Re bana ba motho by Tshegofatso Monaisa

Tshegofatso Monaisa | June 1st, 2008 | poetry | No Comments

Poet Bio

Forget masika
Re bana ba motho
O reelleetswe Sediba wa ko Sedibeng,
Kwa ko Bodibe,
Nnaka ga Mogale,
Rangwane wa gago yo a neng a sa lala a sa nwa Chibuku.

Malome Tom,
Kgotsa o ka mmitsa Ou Tom
O ithaatheetse tlokwe
Melomu mehibidu
O nkgopotsa Mangwane Mojadi
Kíya be kíya gopola Rakgadi Mogadi,
Mogatsaíga Monyaise,
Mokwadi wa lelapa la rona.
Kíya ipona gore ke mo gotsitse,
Lerato lwa go kwala,
Le la go boka,
Le la go tlhama dipina,
Oho,
Mmino o ne,
Tla re se ke ríya bua,
Nka nna bosigo botlhe ke opela,
Seo sone,
Ke sekai se se ntshupetsang gore
Ditoro tsa gago,
Ke tsa me,
Tsa me,
Ke tsa gago
Ga gona pharalogano,
Pharalogano, ke ya leleme,
Puo,
E ntshupeetsa fela,
Lefelo la gago la tsalo.

But everything else about you screams,
Re bana ba motho

Translation

We are born of the same womb

Forget relatives,
We are all from the same womb.
You are related to Sediba, from Sedibeng,
There by Bodibe,
Younger sister to Mogale,
Your uncle who would have never gone to bed without a quart of Chibuku.

Uncle Tom,
Or you could just call him Oom Tom,
He loves alcohol,
His lips are always red!
He reminds me of Aunt Mojadi!
Hey!
That reminds me of Aunt Mogadi,
Wife to Monyaise,
The writer in our family!
I can see that Iíve taken after him.
The love of writing
And poetry
And singing,
Oh
Don’t even get me started on music,
I could sing all night!
That shows me
That your dreams are mine
And my dreams are yours.
There’s no difference!
The only difference is language
And that just tells me where you were born.

But everything else about you screams,
We are born of the same womb.

Click to rate this post!
[Total: 8 Average: 3]
(Visited 1,158 times, 1 visits today)